Edge Rewrite
// HTMLRewriter · presentation

This page was redesigned at the edge.

Cloudflare fetched the original article and streamed it through HTMLRewriter to apply an entirely new visual system without rebuilding the source page.

Jump to content

Draft:Draft 2

From Wikipedia, the free encyclopedia

Patlo ya Mosadi mo setsong sa Batswana

Patlo ya mosadi ke mokgwa le ditumelo tsa setso tse di tlwaelegileng mo setšhabeng sa Batswana. Seno se diragala fa monna a bone mosadi yo a mo ratang ebile a batla go nyala. Patlo ya mosadi ke fa ba losika la monna ba etela ba losika la mosadi go ya go kopa segosametsi. Go le gantsi malapa ale mabedi a rulaganya letsatsi le le rileng. Mokgwa ono o akaretsa dikgato tsa setso tse di amang boitshwaro, kutlwelobotlhoko le tlotlo ya lelapa.[1]

Tirego ya Patlo

Morago ga gore monna a tsee tshwetso ya gore o nyala mosadi yo o rileng. O bua le bagolo ba lelapa la gagwe jaaka bo malome le bo rakgadi ba gagwe gore ba tle ba kgone go kwala lekwalo la go itsese ba ko bogogadi gore ka letsatsi le le rileng ba tlile go kopa sego sa metsi. [2] Mo nakong ya maloba bagolo ba ne ba rulaganya nyalo ya batho ba babedi sa itsane, gompieno dilo di fetogile. Fa lekwalo le setse le ile, ko bogogadi ba ipaakanetsa go amogela lelapa la monna.

Dipaakanyo ko bogogadi

Morago ga gore lelapa la mosadi le amogele lekwalo, ba tshwanetse gore ba le buse go bontsha gore ka dumelana le letsatsi la ba monna. Ka setso sa Setswana letsatsi la nyalo ga le fetolwe le fa go ka direga eng. Morago ga makwalo, malapa a le mabedi tsa tshwanetse go ipaakanyetsa letsatsi la patlo.[3]

Metswedi ya tshedimosetso

[edit]
  1. Le Roux-Kemp, Andra (2020). "Family Law". Yearbook of South African Law. 1: 598–630. doi:10.47348/ysal/v1/i1a12.
  2. Mona Ray, ed. (2021-03-26). "Decision letter for "Read, write, develop: the socio-economic impact of literacy in South Africa"". doi:10.1108/ijse-07-2020-0448/v3/decision1. {{cite journal}}: Cite journal requires |journal= (help)
  3. Prenup.co.za (2026-02-09). "Lobola in South Africa - Everything You Need to Know 💍". Prenup.co.za. Retrieved 2026-02-26.

Karolo:Lenyalo Karolo:Setso sa Batswana